BOKAEDI: POLOKEGO YA DIJO LE NETEFALETSO YA BOLENG
TSHWARO YA NAMA KWA GAE
Tshwarang dijo sentle kwa malapeng go thibela:
Malwetse a a tlholwang ke dijo
Bolwetse/boitekanelo jo bo bokowa
Tshenyo ya dijo
TSHWARO E E SIAMENG YA NAMA
Go botlhokwa go tshwara nama sentle kwa gae.
Tshwaro e e siameng ya nama e kaya tshwaro e e maleba ya nama go thibela kgotlelo le go netefatsa fa e siametse go ka jewa.
Nama e e sa tshwariweng sentle e ka tlhola malwetse a dijo.
Matshwao a a tlwaelegileng a malwetse a dijo ke letshololo, ditlhabi tsa mo mpeng, le letlhatso.
MELAO YA NAMA E E BOLOKEGILENG
Reka fela nama e e rebotsweng.
Nama e e rebotsweng ke nama e e fitlhelwang mo diphologolong tse di itekanetseng tse di tlhatlhobilweng kwa botlhabelong jo bo rebotsweng pele ga go tlhabiwa gape ditoto le tsona di a tlhatlhobiwa morago ga go tlhabiwa.
Nama e e tlhatlhobilweng e na le setempe: ""PASSED/ GOEDGEKEUR/ REBOTSWE"" mo kotareng nngwe le nngwe ya setoto.
Nama e e rebotsweng/ e e tlhatlhobilweng e ka fitlhelwa kwa dilageng, kwa bagwebipotlaneng le kwa mabenkeleng a selegae a a bonang nama ya ona kwa matlhabelong a a rebotsweng.
Tlhapa diatla tsa gago.
Ka gale gakologelwa go tlhapa diatla tsa gago ka metsi a a nang le sesepa pele o ka tshwara dijo.
Tlhapa diatla morago ga go dirisa dithwaelete le morago ga go ngatolola ngwana.
Tswala dintho tsa mo diatleng le diso tsa mo diatleng pele o ka tshwara dijo go tila kgotlelo ya dijo.
Tshwara mafelo a le phepa
Mafelo a a dirisediwang thulaganyo ya nama e tala a tshwanetse go phepafadiwa pele a ka dirisediwa go rulaganya dilwana tsa dijo.
Phepafatsa mafelo a a diriseditsweng thulaganyo ya dijo morago ga go rulaganya nama e tala pele o ka rulaganya dilwana tse dingwe tsa dijo.
Masela a dijana le didirisiwa tsa dijo di tshwanetse go tlhatswiwa pele di ka dirisediwa go rulaganya dijo.
O se ke wa tswaka nama e tala le dijo tse di siametseng go ka jewa
Tila go kopana ga nama e tala, dinong, dikoko jalo jalo le dijo tse di siametseng go ka jewa ka motsi wa thulaganyo ya dijo gape le mo setsidifatsing.
Tlhatswa didirisiwa tse di neng tsa dirisediwa thulaganyo ya nama e tala le dinong, dikoko jalo jalo pele, pele o ka di dirisetsa go rulaganya dilwana tse dingwe tsa dijo.
Dirisa metsi a a phepa go apaya.
Dirisa metsi a a phepa go apaya le go rulaganya dijo.
Se, se tshwanetse go gakologelwa bogolosegolo fa o rulaganyetsa bana, bagolo le batho ba ba lwalang dijo.
Apaya nama sentle
Gakologelwa go apaya nama sentle, ka se se tla bolaya dingwe tsa ditwatsi tse di amanang le nama.
Thibela kgotlelo
Thibela nama go kgotlelwa ke ditshenekegi, magotlo jalo jalo.
O se ke wa gotlholela kgotsa wa ethimolela fa gaufi le dijo.
Tsidifatsa
Dijo tse di apeilweng go akarediwa le nama di tshwanetse go tsidifadiwa ka bonako, mo sebakeng sa diura tse 2 morago ga thulaganyo.
Nama e tala e tshwanetse go tsidifadiwa ka bonako morago ga go rekiwa, mo sebakeng sa ura e le nngwe morago ga go rekiwa.
Netefatsa gore setsidifatsi se bewa mo 4oC le go baya segatsetsi mo 18 oC.
Go bolokegile go gakolosa nama mo setsidifatsing.
Thuthafatsa gape sentle
Nama e e apeilweng e e neng ya tsenngwa ka mo setsidifatsing e tshwanetse go thuthafadiwa gape sentle pele e ka jewa.
Dijo tse di apeilweng di tshwanetse go jewa ka bonako
Leka go ja dijo tse di apeilweng ka bonako morago ga thulaganyo.
Fa dijo di sa jewe ka bonako, di tshwanetse go tsidifadiwa kgotsa go gatsediwa.
Molao o o botlhokwa
Fa nama e tlogetswe lobaka lo lo leele ka mo setsidifatsing kgotsa e bontsha matshwao a go senyega e tshwanetse go latlhiwa.
O se ke wa utlwelela dijo tse di nkgang ka mokgwa o o sa tlwaelegang, di latlhe.
